Wq/tn/Modupe Oshikoya

< Wq | tn
Wq > tn > Modupe Oshikoya

Modupe Oshikoya

edit

Modupe Oshikoya (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le mabedi ka ngwaga wa 1954) ke moatlelete wa pele wa mosadi wa go taboga le tsa mabala go tswa kwa Nigeria.

Dikinolo

edit
  • "Go taboga le go tlola go ne ga tla mo go nna ka tlholego. E ne e le fa ke ne ke tsena mo diatleletiking tse di neng di itsege e le mabelo le tsa mabala ka nako eo. Ke ne ke nna le seabe mo metshamekong ya bolotlola, badminton, tenese ya tafole le metshameko e mengwe e le mmalwa fa ke ntse ke gola mme e ne e le diatleletiki tse ke neng ke di ngaparetse."
  • "Ke ne ke sa kgothadiwe gotlhelele kwa gae ka gore ba ne ba sa itse go le kalo ka metshameko. Mme o ne a sa rutega go le kalo go itse gore metshameko ke eng."
  • "Thuto e ne e le botlhokwa thata mo go nna jaaka moatlelete ka nako eo. Ke ne ke e tsaya tsia go tloga fela fa ke ne ke le kwa Nigeria mme le fa ke ne ke goroga kwa United States mme ke tabogela Yunibesithi ya California, Los Angeles (UCLA), bakatisi ba ne ba leka go dira gore diatleletiki e nne selo sa botlhokwa thata. Ke ne ka ba itsise gore ke tsile kwa US go tla go ithuta fa diatleletiki di tla morago. Ke ne ka tlhomamisa gore ke bona didikirii tsame pele. Ke a itse gore ka thuto ke na le sengwe se nka boelang morago mo go sone fa nka gobala kgotsa ka rola tiro mo motshamekong."
  • "Lorato lame la go taboga le lebala le ne la dira gore go nne monate le go kgatlha mo go nna go dira boleele jo bo oketsegileng go fitlhelela maduo a ke a boneng. Ke ka bo ke fentse dikgele di le tharo tsa gauta kwa Metshamekong ya Aforika ya ngwaga wa 1978 mme ke ne ka gobala mo sehubeng se se neng sa mpateletsa go tswa mo dikgoreletsing tsa dimethara di le lekgolo. Kwa Metshamekong ya Aforika ya ngwaga wa 1973, ke ne ka gaisana mo go tloleng kwa godimo, mo sekgoreletsing sa dimethara di le lekgolo, le mo go tloleng ka boleele mme ke ne ka gapa dikgele tsa gauta mo dikgaisanong tse tharo tse. Ke ne ke itumeletse go gapa dikgele tsa gauta ka e ne e le monate fela mo go nna ka nako eo."
  • "Metlele ya gauta ya Metshameko ya Kgweranoditšhaba ka ngwaga wa 1974 kwa New Zealand mo tiragalong ya go tlola boleele e ne e le e e kgethegileng. Le nna ke ne ke le gaufi le go gapa gauta mo dikgoreletsi mme ke ne ka kgopiwa ke ya kwa go yone mme ka feleletsa ke gapa sekgele sa boronse."
  • "Re ne re setse re le kwa Montreal ka ngwaga wa 1976, kwa Diolimpiking kwa Canada mme re emetse moletlo wa go simolola pele ga re tswa mo kgaisanong letsatsi pele ga yone. Mongwe le mongwe o ne a swabile ka ntlha ya tiro e e bokete e re neng re e dirile go baakanyetsa Diolimpiki dingwaga di le nne mme e ne e se bokhutlo jwa lefatshe."
  • "Mme e ne e le mosadi yo o nonofileng mme o ne a sa tlhaloganye gore motshameko o ka ga eng. O ne a le teng go nthusa nako le nako fa a kgona mme sengwe le sengwe se a neng a ka se ntirela, o ne a leka ka bojotlhe."
  • "Bone (Puso ya Nigeria) ba tshwanetse go tshwara baatlelete fa ba santse ba le bannye. Re simolotse re le bannye thata. Ba tshwanetse go rotloetsa baatlelete ka ditlhotlheletso tse di siameng gore ba kgone go gaisana."
  • "Ke tlaa bolelela baatlelete gore ba dire ka natla mme ba seka ba letla metshameko go tsena mo ditlhogong tsa bone. Ba tshwanetse go tlaleletsa ditalente tsa bone tse ba di abetsweng ka thuto. E ba fa sengwe se se molemo se ba ka se tshwarelelang fa ba sena go rola tiro. Gape jaaka moatlelete, o tshwanetse go otlhaiwa le go dira tshwetso ya gore o batla eng. O tshwanetse go tlhomamisa gore o batla go dira eng ka botshelo jwa gago."