Wq/tn/Helen Prest-Ajayi

< Wq | tn
Wq > tn > Helen Prest-Ajayi

Helen Prest-Ajayi

edit

Helen Prest-Ajayi yo pele e ne e le Prest-Davies, (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome le bosupa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a matlhano le metso e robabongwe( 1959), ke mmueledi wa Nigeria, mokwadi le kgosigadi ya pele ya bontle.

Helen Prest-Ajayi o goletse kwa Enyelane. O ne a tsena Sekolo sa Boditšhabatšhaba sa Ibadan go dira dithuto tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo le kwa Yunibesithing ya Obafemi Awolowo go dira dithuto tsa gagwe tsa pele ga kalogo tsa Molao pele ga a tsenelela kgaisano ya gagwe .Fa a sena go rwesiwa korone ya Mohumagatsana wa Nigeria a le dingwaga di le lesome le boferabobedi ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e robabongwe ( 1979) o ne a emela Nigeria kwa kgaisanong ya Mohumagatsana wa Lefatshe mme a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa King’s College London, mme a bona dikirii ya LLM.Gape o ne a le matlhagatlhaga jaaka mokwadi wa ditlhogo ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe (1990). Ga jaanong jaana ke Mokhuduthamaga wa Komponi ya Kgwebo ya Bobegakgang. Ke setlogolo sa ga rre wa mothei wa Nigeria Kgosi Arthur Prest le morwadia radipolotiki Kgosi Michael Godwin Prest. O na le bana ba basetsana ba le bararo. O ne a nyala monna wa gagwe wa ntlha e bong rakgwebo Jimmy Davies ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le metso e robabobedi (1988).

Dikinolo

edit
  • "MoNigeria wa nnete o tla nna a na le dilo di le miliyone le bongwe tse di diragalang ka nako e le nngwe."
  • "Kgakololo nngwe e ke e neelang basha ka metlha ke gore agona maitemogelo ape a a leng tshenyo. Leka seatla sa gago mo go sengwe le sengwe se pelo ya gago e go kaelang go se dira."
  • "Bomme ga se ka ga gago le dikeletso tsa gago, ke ka ga bana ba Modimo a ba go fileng. Bana ga se mabenyane a a mo molaleng wa gago, e bile ga ba direlwa gore o diragatse dikeletso tsotlhe tsa gago tse di sa diragadiwang mo baneng ba gago."
  • "Boleng jwa mme bo laola boleng jwa setšhaba. Re tlhoka go tsaya bomme le bomme ka tlhwaafalo tota. Ga se selo se se tshwanetseng go tlogelwa fela."
  • "Kgakololo yame e e molemo ke gore sengwe le sengwe se o se tsenyang letsogo go se dira, se dire ka bojotlhe jwa gago. Sengwe le sengwe se o se dirang se feleletsa e le karolo ya bokgoni jwa gago mme se feleletsa e le karolo ya se o felelang o le sone."

Dikgolagano tsa kwa ntle

edit