Wq/tn/Fatou Bensouda

< Wq | tn
Wq > tn > Fatou Bensouda
Fatou Bensouda, ka ngwaga wa 2008

Fatou Bensouda

edit

Fatou Bom Bensouda (/fɑːˈtuː bɛnˈsoʊdə/; née Nyang; yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe ka ngwaga wa 1961) ke mmueledi wa kwa Gambia yo o ntseng a dira jaaka mosekisi yo mogolo wa Kgotlatshekelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba (ICC) fa e sale ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2012, morago ga go nna Mothusamosekisi yo o okametseng Lephata la Bosekisi la ICC fa e sale ka ngwaga wa 2004 le go nna tona ya bosiamisi kwa Gambia.

Dikinolo

edit
  • "Gompieno, ke itsise gore morago ga tshekatsheko e e tseneletseng, e e ikemetseng le e e sa gobeleleng ya tshedimosetso yotlhe e e ikanyegang e e leng teng mo Offising yame, tlhatlhobo ya ntlha ya Boemo kwa Palesetina e weditswe ka tshwetso ya gore ditlhokego tsotlhe tsa semolao tse di ka fa tlase ga Molao wa Roma tsa go simolola patlisiso . di kopanetswe. Ke kgotsofetse gore go na le lebaka le le utlwalang la go tswelela ka patlisiso ka seemo sa kwa Palesetina... Ka bokhutshwane, ke kgotsofetse gore (i) ditlolomolao tsa ntwa di ile tsa dirwa kgotsa di dirwa kwa West Bank, go akaretsa le Jerusalema Botlhaba, le . Mothalo wa Gaza ("Gaza")...; (ii) dikgetse tse di ka nnang teng tse di tlhagelelang mo seemong seo di tla amogelesega; le (iii) ga go na mabaka a a utlwalang a go dumela gore patlisiso e ka se direle dikgatlhego tsa bosiamisi.
  • "Nna, mmogo le offisi yame, re diragatsa thomo ya rona ka fa tlase ga Molao wa Roma ka boipuso jo bo feletseng, ka go sa tseye letlhakore, ka tshiamo le ka bothokgami jwa seporofešenale. Re tla tswelela go diragatsa maikarabelo a rona jaaka go batliwa ke Molao wa Roma kwantle ga poifo kgotsa go rata batho.
  • "Bosekisi bo sekasekile ka kelotlhoko ditshwaelo tsa batsayakarolo le masalela a pono ya gore kgotlatshekelo e na le taolo mo Kgaolong e e Gapilweng ya Palestina."
  • "Mosekisi o kgotsofetse gore go na le lebaka le le utlwalang la go simolola patlisiso ka boemo jwa kwa Palesetina go ya ka tsebe ya masome a matlhano le boraro(bongwe)ya Molao wa Roma, le gore bogolo jwa taolo ya kgaolo ya Kgotlatshekelo bo akaretsa West Bank, go akaretsa le Jerusalema Botlhaba, le Gaza . (“Kgaolo e e Gapilweng ya Palesetina”). Le fa go ntse jalo, Mosekisi o ne a kopa Phaposi ya Pele ga Tsheko go tlhomamisa bogolo jwa taolo ya kgaolo ya Kgotlatshekelo kwa Palesetina, go ya ka tsebe ya lesome le boferabongwe(boraro) .1 Katlholo e e ntseng jalo e tla rarabolola potso eno ka boikaelelo jwa ditsheko tsa Kgotlatshekelo tsa mo isagong—go ya ka molaomotheo . ya res judicata, go ikaegile ka ditsebe tsa lesome le boferabongwe(bobedi) le (bone)—mme e beye go tsamaisiwa ga ditsheko tse dingwe ke Kgotlatshekelo mo motheong o o nonofileng thata wa semolao. 2. Jaaka fa Bosekisi bo gakologetswe, kgato eno e ne ya tsewa, ka tsela e e sa tlwaelegang, go lebilwe dikgang tse di raraaneng tse di kgethegileng tsa semolao le tsa dintlha tse di amanang le Kgaolo e e Gapilweng ya Palestina le maikutlo a a farologaneng a a tlhagisitsweng.
  • "3. Ka go gapa Phaposi ya Pele ga Tsheko ya kgang eno, ka fa tlase ga tsebe ya lesome le boferabongwe(boraro), Bosekisi bo ne jwa batla foramo e mo go yone baemedi ba semolao ba batswasetlhabelo, Puso e e ba romelang (Palestina), Iseraele, le Dinaga tse dingwe le batho ba ba nang le kgatlhego ba ka thusang . mo go tlhomamiseng sentle potso e e tlhagisiwang. Bosekisi bo tlhagisa tebogo ya jone go Phaposi go bo e biditse thulaganyo e e ntseng jalo,5 le go baemedi ba le bantsi ba semolao ba batswasetlhabelo,6 Dinaga tse di Kopaneng, mekgatlho ya dipuso tse di farologaneng, le amici curiae, ba ba arabileng pitso eno.... Ka ntlha ya mokgwa ono o o akaretsang botlhe—ba ikaeletse . go netefatsa, ka thulaganyo e e siameng le e e bonalang, gore Kgotlatshekelo e fitlhelela tshwetso e e siameng ya taolo, le fa Bosekisi ka bojone bo amogetseng tlhokego ya go ntsha mowa le go rarabolola go farologana ga maikutlo a semolao ka go tlisa kgang eno ka go rata ga yone kwa Phaposing— modumo wa kganetso wa palo e nnye ya batsayakarolo o ne o tla lebega o sa bewa sentle. Bosekisi bo ne jwa atamela seemo seno ka boipuso le go sa tseye letlhakore se se batliwang ke tsebe ya bo masome a mane le bobedi ya Molao, jaaka bo dira ka metlha."

Dikinolo ka Fatou Bensouda

edit
  • "Mosekisi yo mogolo wa ICC, Fatou Bensouda, o boletse kgwedi e e fetileng gore go na le “motheo o o utlwalang” wa go bula patlisiso ya bosenyi jwa ntwa mo ditirong tsa sesole sa Iseraele kwa Gaza Strip mmogo le kago ya bonno jwa Iseraele kwa West Bank. O ne gape a kopa kgotlatshekelo go bona gore a o na le taolo ya kgaolo pele ga a tswelela ka kgetsi. Kopo ya gagwe kwa kgotlatshekelong, e e neng e feta selekanyo sa ditsebe di le masome a mararo, e ne e patilwe ke kopo ya gore selekanyo sa ditsebe se okediwe go nna ditsebe di le lekgolo le lseome, a umaka “maemo a a tlhomologileng le a a raraaneng a dintlha le a semolao mo seemong seno.” ... Go ya ka Haaretz, katlholo e raya gore tshwetso ya ga Bensouda ya go tsweletsa kgetse pele e tla diega ka dikgwedi di le mmalwa. Moitseanape wa molao wa boditšhabatšhaba Nick Kaufman o kwadile.. gore tshwetso e ne e le “go itaya Bensouda ka sefatlhego” .
  • "Bensouda (mosekisi yo mogolo wa Kgotlatshekelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba fa e sa le ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2012) o ne a fitlhela gore ditlolomolao tse go neng go twe di dirilwe ke CIA le sesole sa U.S. “e ne e se go sotla batho ba le mmalwa ba ba neng ba le kwa thoko,” mme e ne e le “karolo ya mekgwa e e amogetsweng ya go botsa dipotso go leka go ntsha ‘botlhale jo bo ka tsewang kgato . ’ go tswa mo bagolegweng.” ... Phaposi ya Pele ga Tsheko e ne ya dumalana le Bensouda gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore, go ya ka pholisi ya U.S., maloko a CIA a ne a dirile ditlolomolao tsa ntwa. Di ne di akaretsa go bogisiwa le go tshwarwa setlhogo, le go galefela seriti sa motho ka namana, mmogo le petelelo le mefuta e mengwe ya tirisodikgoka ya thobalano kgatlhanong le ba ba tshwerweng mo mafelong a kgolegelo mo lefelong la Dinaga tse di Tsenang mo Molaong wa Roma, go akaretsa le Afghanistan, Poland, Romania le Lithuania. Bensouda o ne a botsolotsa diketekete tsa batho ba ba neng ba tlhaselwa ka nako ya fa a ne a tlhatlhobiwa pele ga nako. Ba ka nna lekgolo ba bone ba ne ba kopanela mo boikuelong jwa gagwe jwa katlholo ya Phaphosi ya Pele. Batswasetlhabelo le babueledi ba bone ba ne ba akgola tshwetso ya Phaposi ya Boikuelo mme ba bontsha tsholofelo ya gore ba ba ikarabelang kwa bofelong ba tla rwala maikarabelo."
  • "US e phimotse Visa ya mosekisi yo mogolo wa kgotlatshekelo ya boditšhabatšhaba ya bosenyi go tsibogela maikaelelo a gagwe a go batlisisa bosenyi jo bo ka nnang teng jwa ntwa ke masole a US kwa Afghanistan. Polelo go tswa kwa ofising ya ga Fatou Bensouda, moagi wa Gambia, e rile o tla tswelela go dira ditiro tsa gagwe tsa kgotlatshekelo, kwa The Hague, “ntle le poifo kgotsa go rata” le gore o tla tswelela go tsaya loeto go ya kwa US. Ga a ise a thibelwe go etela ntlokgolo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York. Lephata la naga la Amerika ga le neele dintlha tsa dikgetse tsa diVisa ka bongwe mme le tlhalositse sentle gore le diragatsa matshosetsi a kgwedi e e fetileng go tswa go mokwaledi wa naga, Mike Pompeo, go tsenya dithibelo mo badiring bape ba ICC ba ba neng ba batlisisa badiri ba Amerika kgotsa ba ba dirisanang le yone. Kgato eno e tshwaile go thatafatsa ga pholisi ya Amerika ya go se dirisane mmogo le ICC, le go fokotsa seabe sa go nna le dinaga tse dintsi."
  • "Ofisi ya ga Bensouda e rile o na le “taelo e e ikemetseng le e e sa tseyeng letlhakore” ka fa tlase ga Molao wa Roma o o laolang ICC. “Mosekisi le ofisi ya gagwe ba tla tswelela go dira tiro eo ya semolao ka boineelo jo bogolo le boporofešenale, kwantle ga poifo kgotsa go rata batho,” e ne ya oketsa jalo. Bensouda o tsaya maeto ka metlha go ya kwa UN kwa New York, kwa a nayang lekgotla la tshireletso ditlhaloso. Ofisi ya UN e bonwa e akareditswe ke mofuta wa tshireletso ya bodipolomate... Bensouda o kopile baatlhodi ba ICC ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2017 tetla ya go bula dipatlisiso ka ga ditlolomolao tsa ntwa tse go belaelwang gore di dirilwe kwa Afghanistan ke Ma-Taliban, masole a puso ya Afghanistan le masole a boditšhabatšhaba, go akaretsa masole a Amerika. Patlisiso e solofetswe gape go sekaseka tiro ya CIA mo mafelong a kgolegelo kwa Afghanistan. Kgotlatshekelo ga e ise e dire tshwetso ya gore a e tla simolola dipatlisiso tse di feletseng tse di tla akaretsang ditiragalo tsa morago ga ngwaga wa 2002."
  • "Mosekisi yo mogolo wa Kgotlatshekelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba ka Labone o boeleditse boemo jwa gagwe jwa gore Palestina ke naga ka maikaelelo a go fetisetsa taolo ya bosenyi mo kgaolong ya yone kwa The Hague. Go kgaphela kwa thoko dikgopolo tsa semolao tsa dinaga di le mmalwa le bakanoki ba le bantsintsi ba molao wa boditšhabatšhaba, kgopolo ya ga Fatou Bensouda, e e tlhalosiwang ka botlalo thata mo tokomaneng ya ditsebe di le masome a marataro, e ka bula tsela ya go batlisisa ka ditlolomolao tsa ntwa tse go tweng di dirilwe kwa West Bank, kwa Gaza Strip . le Jerusalema Botlhaba. O ne a kwala jaana: “Bosekisi bo sekasekile ka kelotlhoko se batsayakarolo ba se lemogileng le masalela a kgopolo ya gore Kgotlatshekelo e na le taolo mo Kgaolong e e Gapilweng ya Palesetina.”
  • "Ka kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome a mabedi, fa a ne a konela tlhatlhobo ya ntlha ya dingwaga di le tlhano ya “boemo jwa kwa Palesetina,” Bensouda o ne a re o na le “mabaka a a utlwalang a go dumela gore go ne ga dirwa ditlolomolao tsa ntwa” mo dikgaolong tseo ke Masole a Tshireletso a Iseraele le Hamas le “masole a mangwe a a tlhometseng a Palesetina a ditlhopha." Ka nako eo, o ne a bolela gore ene ka boene o dumela gore kgotlatshekelo eleruri e na le dithata tsa go batlisisa ditlolomolao tse di ka nnang teng tsa ntwa mo dikgaolong tseo, mme, ka ntlha ya go bo kgetsi e e ne e tsosa dikganetsano, o ne a kopa gore go dirwe tshwetso e e tlhomameng mo kgannyeng e go tswa mo kgotlatshekelong e e neng e dirwa pele ga phaposi ya tsheko le baitseanape ba ba ikemetseng ba ne ba lalediwa go sekaseka kgang e gape “Dipono tse di farologaneng jalo di tla dira gore tshwetso ya bofelo ya Kgotlatshekelo e nne e e kafa molaong thata,” Bensouda o ne a kwala jalo Mo tokomaneng e a neng a e gatisitse ka Labone.O ne a tlhalosa fa boemo jwa gagwe bo se ka ga kgang ya go nna puso ya Palestina ka boyone, mme go na le moo ke ka ga gore a “Puso ya Palestina,” e e leng leloko la ICC, e ka fetisetsa taolo ya bosenyi kwa kgotlatshekelong. Go ya ka pono ya gagwe, eleruri Palestina e diragatsa ditlhokego tsotlhe tse di tlhokegang go dira jalo."
  • "Palestina ke naga ebile Kgotlatshekelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba e na le taolo e e amang dikgetse tsa yone, mosekisi yo wa ICC o atlhotse ka Labone, se se ka bulelang tsela ya dipatlisiso tsa bosenyi jwa ntwa kgatlhanong le Iseraele. Phanele ya baatlhodi ba le bararo ba Phaposi ya Pele ga Tsheko ya ICC jaanong e tshwanetse go netefatsa tshwetso ya ga Fatou Bensouda. Iseraele e ntse e latofadiwa ka go dira ditlolomolao tsa ntwa kwa West Bank, kwa botlhaba jwa Jerusalema le kwa Gaza Strip... Mo tshwetsong ya ga Bensouda ya ditsebe di le masome a marataro, ICC e ka nna ya dirisa taolo ya yone mo “kgaolong” e e “akareletsang West Bank, go akaretsa le Jerusalema Botlhaba, . le Gaza."
  • "Ka Labotlhano,Mokgatlho wa Kgololesego ya Palestina (PLO) o amogetse dikgang tsa gore Mosekisi yo Mogolo wa Kgotlatshekelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba (ICC) Fatou Bensouda o boeleditse boemo jwa gagwe jwa gore Palestina ke naga ka maikaelelo a go fetisetsa taolo ya bosenyi mo lefelong la yone kwa The Hague, Wafa News Agency e begile jalo . . Bensouda o netefaditse boemo jwa gagwe jwa gore ICC e na le taolo mo dikgaolong tsa Palestina, go akaretsa le Jerusalema Botlhaba."
  • "Bensouda... o ne a feleletsa ka gore go na le “lebaka la go dumela” gore ditlolomolao di ne di “dirwa go tsweletsa pele pholisi kgotsa dipholisi ... tse di neng di tla tshegetsa maikaelelo a Amerika mo ntweng ya Afghanistan.” Bensouda o kopile gore Phaposi ya Pele ga Tsheko ya ICC e amogele dipatlisiso ka ga ditatofatso tseno. Puso ya ga Trump e tshoseditse go gana baatlhodi le basekisi ba ICC di-visa mme ya tlhagisa gore e tla ipusolosetsa ka dikiletso fa kgotlatshekelo e ka bula dipatlisiso. Ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le matlhano, ka ngwaga wa 2019, puso ya U.S. e ne ya phimola visa ya ga Bensouda ya go ya kwa United States. Beke moragonyana, ka kgwedi ya Moranang e tlhola maltsi a le some le bobedi ka ngwaga wa 2019, go bonala Phaposi ya Pele ga Tsheko e ne ya ineela mo kgatelelong ya U.S. mme ya gana go ntsha tetla ya gore Bensouda a batlisise. Le fa ba ne ba dumalana le Bensouda gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore maloko a CIA a dirile ditlolomolao tsa ntwa, Phaposi ya Pele ga Tsheko e ne ya gana kopo ya gagwe ya gore go dirwe dipatlisiso... Mme mo tshwetsong e e botlhokwa thata, ka kgwedi ya Mopitlo a tlhola malatsi a le matlhano, ka ngwaga wa 2020, Phaposi ya Boikuelo e ne ya tlola tshwetso ya Phaposi ya Pele ga Tsheko maikemisetso mme ya neela Bensouda tetla ya go simolola dipatlisiso."