Wq/tn/Eberechi Wike

< Wq | tn
Wq > tn > Eberechi Wike

Eberechi Wike

edit
 
Eberechi Wike

Eberechi Wike (nee Obuzor; yo o tshotsweng ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e mebedi (1972) ke moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo ya Bosiamisi ya Kgaolo ya Rivers. O nyetswe ke Mmusi wa pele Ezenwo Wike yo ga jaana e leng Tona ya Kgaolo ya Motsemogolo wa Bosetšhaba mme e ne e le Mohumagatsana wa Ntlha wa Kgaolo ya Rivers go tloga ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi,lesome le metso e metlhano(2015) go fitlha ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi,masome a mabedi le metso e meraro (2023).

Dikinolo

edit
  • "Gongwe le gongwe mo lefatsheng go na le lehuma. Ka jalo, go na le batho ba ba nang le tlhokego ya thuto e e siameng. Mme fa re neela batho thuto e ntsi, re tlisa lesedi le lentsi mo merafeng ya rona."
  • "Basadi ke mokwatla wa lelapa lengwe le lengwe. Ka jalo, re motheo wa setšhaba sengwe le sengwe. Fa re dirabsentle mo maemong a lelapa, dilo di tlaa siama le setšhaba. Fa setšhaba se tshwenyegile, ke gone tota bothata bo simolotseng mo lelapeng. Fa re dira sentle mo lelapeng, sengwe le sengwe se bona lefelo la sone mo setšhabeng. Molaetsa wame go bomme ke gore ba tshegetse banna ba bone le leloko lengwe le lengwe la lelapa."
  • "Ga ke kgone go akanya sepe se se botoka go na le go nna le molao wa gore karolo efe fela ya mmele wa gago e o e dirisang mo ngwaneng fa o ntse o leswefatsa ngwana, karolo eo e tshwanetse go kgaolwa. Fa e le monwana wa gago, fa e le molomo wa gago, fa e le dikarolo tsa gago tsa sephiri. Ke akanya gore banna ba tla e tsaya tsia thata fa le tla ka MOLAO o o ntseng jalo. Ke solofela gore monna mo Ntlong ya Baemedi kgotsa Senate o tla tshegetsa molaotlhomo o o ntseng jalo."
  • "Ke wa boapeelo, ke wa phaposi ya bonno mme ke wa phaposi nngwe le nngwe e e bopilweng ke Modimo. Go ntse fela jalo le ka basadi ba bangwe. Re bopilwe ke Modimo gore re dire go feta foo. Mo kgannyeng yame jaaka motlhankedi wa boatlhodi, le nna ke wa kgotlatshekelo. Basadi ba bangwe ke ba diphaposi tse di farologaneng, go ikaegile ka pitso ya bone ya seporofešenale."

Dikgolagano tsa kwa ntle

edit