Clara Leach Adams-Ender (o tsotswe ka kgwedi ya Phukwi e le lesome le motso, ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a mararo le metso e robabongwe (1939) ke motlhankedi wa sesole sa United States yo o tlogetseng tiro yo o neng a direla jaaka Tlhogo ya United States Army Nurse Corps go tloga ka kgwedi ya Lwetse,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le metso e Supa (1987 )go ya ko kgweding ya Phatwe,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a robabongwe le motso ( 1991). E ne e le mosadi wa ntlha go amogela dikirii ya gagwe ya master mo botaking jwa sesole le saense go tswa kwa United States Army Command and General Staff College. Gape ke ene moofisiri wa ntlha wa mooki wa Moafrika-Amerika go aloga kwa United States Army War College. Fa a ne a tlogela tiro ka ngwaga wa sekete,makgolo a robaongwe,masome a robabongwe le metso e meraro (1993), o ne a direla e le molaodi wa masole kwa Fort Belvoir, kwa Fairfax County, kwa Virginia. Morago ga go rola tiro, ka ngwaga wa dikete tse pedi le motso (2001) o ne a gatisa buka ya gagwe ya dikgakologelo: My Rise to the Stars: How a Sharecropper's Daughter Became an Army General.
Dikinolo
editGo Gola ga Me go ya Kwa mankalengkaleng (Ngwaga wa dikete tse pedi le motso (2001)
edit- Go ne go na le batho ba ka nnamakgolo a matlhano ba ba neng ba le mo dithulaganyong tsa go sekaseka ka nako ya fa ke ne ke tlogela tiro kwa Ft. Belvoir. Ke ne ke akanya gore ke tla nna le maikutlo a a nonofileng le maikutlo a magolo mo letsatsing la me la bofelo mo sesoleng, mme go ne go sa nna jalo. Letsatsi leo le ne le le letobo tota, fa ke bua boammaaruri fela. Motsotso mongwe ke ne ke le mo sesoleng sa sesole, mme motsotso o o latelang ke ne ke sa tlhole ke le mo go sone. Fa letsatsi la me la bofelo le fela, morago ga moletlo wa fa ke sena go tlogela tiro, ke ne ka ya gae mme ka ema fa pele ga seipone ke apola yunifomo ya me la bofelo. Mosadi mongwe yo montsho wa dingwaga tse masome a matlhano le bone yo o neng a lebega a lapile o ne a gadima kwa morago. Ke ne ka mo raya ka re: "O tlogetse tiro". Go na le gore a tsibogele seo ka tsela e e bonalang, o ne a lebega a sa kgathale. Hmmpphh! Ke ne ka apola yunifomo ya me mme ka e pega, jaaka ke ne ke setse ke dirile makgetlo a le diketekete. Go tswa foo ke ne ka ya go robala mme ka robala ka bonako
- Tsebe ya Makgolo a mabedi,masome a mararo le metso e merataro
- Ke ne ke dirile ka natla ka dingwaga di le masome a mararo le bone go tsweletsa pele mekgele le maikaelelo a U.S. Go ya kwa pele. Ka jalo fa ke tsoga moso mongwe mme ke fitlhela khalendara ya me e se na sepe gotlhelele - go se na molelo wa sekgwa o o ka o timang kana dithulaganyo tse di tshwanetseng go dirwa - e ne e le boitemogelo jo bo tshosang tota, jo bo tlhakatlhakaneng. Re sa bue sepe ka go kgobega marapo.
- Tsebe ya Makgolo a mabedi,masome a mararo le metso e Supa
- Ke ne ke diretse sesole ka tlotlo e bile ke tlhomologile mme ke ne ke ikutlwa gore dilo di tsamaile sentle gape. Mme ke ne ka se ka ka kgona go dira jalo. Sekai se se molemo se ke se akanyang ke sa go kgabaganya mola wa phenyo ka tshoganetso morago ga go taboga marathone ka dingwaga di le 30. Ke marathone a mo go one kgaisano le botsalano di dirang gore o ikutlwe o itumetse ka go nna le seabe mo go one letsatsi le letsatsi. Ke ne ke rata bosole, le tirelo ya me ya go sireletsa naga ya gaetsho. Ka gone, malatsi a ntlha a le manè morago ga go tlogela tiro a ne a le a go lela, e bile ke ne ke lapile thata. Fa ke sena go tsoga ka ura ya bonè mo mosong oo wa ntlha, ke ne ka nna mo bolaong go fitlha ka ura ya borobongwe mo malatsing a le mararo a a latelang. Seo se ka utlwala se tshegisa mo bathong bangwe, mme mo go nna ura ya borobongwe e ne e le selo se se maswe tota! Ke ne ka tlogela go robala bosigo thata, mme ke ne ke sa tlhole ke na le tsholofelo ka lobaka lo loleele morago ga go rola tiro. Go tlogela tiro go ne ga dira gore botshelo jwa me bo nne lolea fela jaaka go swa ga tsala kana wa losika. Ke ne ka lwantshana le khutsafalo le go gopola dilo tse di monate tota le go ikutlwela botlhoko go sekae.
- Tsebe ya Makgolo a mabedi,masome a mararo le metso e Supa
- Fa ke akanya ka dingwaga tse masome a mararo le bone tse ke di feditseng ke le lesole, nka di sobokanya ka mafoko a mabedi - go amega le go direla. Ke ne ka direla go sireletsa naga e ke e ratang, le go direla batho. Mme ke ne ka ithuta go le gontsi ka go dira dilo tseno ka bobedi. Kwa bokhutlong jwa letsatsi, ke kgona go leba kwa morago mme ke re ke ne ke le lesole le le molemo, ke le leloko le le molemo thata. Mme ke motlotlo thata ka seo. Masole a ne a nnaya tshono ya go nna se ke neng ke ka kgona go nna sone, mme ke akanya gore ke ne ka dirisa tshono eo ka botlalo. Mokwadi mongwe yo o itsegeng thata le mmoki o kile a bolela gore boikaelelo jwa botshelo ke go nna le seabe, go dira pharologanyo e o kileng wa e tshela". Ke dumela tota gore ke ne ka nna le seabe le gore ke ne ka dira pharologano fa ke ne ke le mo sesoleng. Gape ke dumela gore ke sa ntse ke dira pharologano mo matshelong a batho ba bangwe ka go ba tlhokomela le go ba direla. Kwa bokhutlong jwa letsatsi, ke sone se tota botshelo bo leng sone.
- Tsebe ya Makgolo a mabedi,masome a mane le bobedi
- 1. Le fa o ka dira eng, se dire ka matlhagatlhaga.
- 2. Fa o dirisana le batho, nna le kamano le bone e le gore ba tle ba bue ka wena ka bopelonomi, segolobogolo fa o seyo.
- 3. Go na le selo se le sengwe fela mo botshelong se o ka se laolang ka botlalo, mme seo ke boikutlo jwa gago. 4. Ka metlha kgothatsa ba bangwe, segolobogolo basha.
- 5. Go tsaya kgato go tla fodisa bontsi jwa dilo tse o di boifang.
- 6. Dira gore mmele wa gago o se ka wa kgorelediwa.
- 7. O ka kgona go rata motho yo mongwe fela fa o ithata.
- 8. Ipeele mekgele e e kwa godimo. Tota e bile, selo sa botlhokwa ke se o se lebeletseng mo go wena.
- 9. O na le dilo tse o ka di tlhophang mo maemong otlhe - e ka ne o di rata kana nnyaa.
- 10. Go se dire tshwetso le gone ke tshwetso.
- 11. Go direla ba bangwe go dira gore o ikutlwe botoka ka gonne o dirile pharologanyo mo botshelong jwa mongwe.
- 12. Ga se se se go diragalelang mo botshelong se se botlhokwa - ke kafa o tsibogelang se se go diragalelang ka teng.
- 13. Go tshega go tla go thusa go fenya mathata a le mantsi.
- 14. Tsaya tiro ya gago masisi, mme le ka motlha o se ka wa itsaya masisi thata.
- 15. Mo godimo ga tsotlhe, nna pelonomi.
- Clara's Aphorisms, tsebe ya makgolo a mabedi,masome a mane le metso e meraro