Wq/tn/Bisi Adeleye-Fayemi

< Wq | tn
Wq > tn > Bisi Adeleye-Fayemi

Bisi Adeleye Fayemi (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo ele lesome le bonwe, ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a marataro le metso e meraro ( 1963) ke molwela-kgololosego wa Nigeria-British, mokwadi le mmueledi wa pholisi. E ne e le mohumagadi wa ntlha wa Ekiti State, Nigeria jaaka mosadi wa mmusi wa Ekiti State Kayode Fayemi go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi lesome le metso e robabobedi ( 2018) go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi masome a mabedi le metso e mebedi ( 2022). O ne a direla jaaka mosadi wa ntlha go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome (2010) go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi lesome le metso e mene ( 2014) ka nako ya fa monna wa gagwe a ne a le mo setulong sa ntlha. Ka ngwaga wa dikete tse pedi le motso (2001), o ne a nna motlhami-mmogo wa African Women's Development Fund (AWDF), e leng mokgatlho wa ntlha wa Pan-African o o ntshang dithuso. O direla jaaka Mogakolodi wa UN Women Nigeria, mme o ne a tlhophiwa jaaka Mosupi wa Dipatlisiso wa Mogolwane kwa King's College, University of London ka ngwaga wa dikete lesome le metso e supa (2017).

Bisi Adeleye-Fayemi in 2018

Dikinolo

edit
  • Jaaka basadi, go sa kgathalesege maemo a rona, lefelo le re leng mo go lone kgotsa thutego ya rona, re tshwanetse go itse gore ga re dire dilo re sa akanya. Re dira mo tikologong e e nang le melao le ditekanyetso tse di tlhomilweng ke borraaronamogologolwane, tse di ileng tsa itsetsepela thata fa nako e ntse e tsamaya, mme di ntse di tsweletse go tlhomamisiwa ke setso, dingwao le ditumelo tsa bodumedi.
  • Ekiti State e nnile puso ya ntlha mo nageng go tsenya tirisong National Gender Policy.
  • Ke kgang ya go senya madi a batho ba nang le one, go lebega e le gore batho ba solegelwe molemo mme kwa bofelong e le gore go solegelwe molemo ba sekae fela ba ba tlhophilweng.
  • Ka maswabi, lehuma le botlhokakitso di kotsi e bile di a bolaya.
  • Kgabagare, selo se se re kopanyang re le setšhaba se tla senyega, fa re sa tlhole re kgona go buisana ka maitseo, fa basha ba kgona go sotla bagodi ba bone ka nako e ba e batlang mo lefelong le go sa itsiweng gore ke bomang mo go lone, le fa maina a a itiretsweng ka dingwaga di le dintsi tsa go dira ka natla le go direla ba bangwe a senngwa ka go tobetsa dikonopo di le mmalwa fela.
  • Re tshwanetse go tswelela pele re ruta basadi ba basha ka ditsela tse di tla ba godisang le go ba baakanyetsa botshelo jo bo thata jwa kgwebo, dipolotiki le botshelo jwa setšhaba. Fa re dira seno, re tshwanetse go kgona go ba tlhomela sekao ka gonne ba tla dira se ba se bonang e seng se ba se utlwang mo go rona.
  • Rotlhe ba re leng fano re na le lefelo le re ka dirang dilo go tswa mo go lone. A re diriseng mafelo a re leng mo go one ka botlhale le ka boikaelelo. A rotlhe re tsogeng mme re tlhome matlho a rona mo dilong tsotlhe tse dikgolo tse re itseng gore re ka kgona go di fitlhelela. A re tlogeleng go itshepa. A re tswe mo mafelong a re iketlang mo go one. A re tlogeleng go fetisetsa dilo kwa mothong yo mongwe. Ke wena motho yoo. Ke wena o fetogileng.
  • Ka metlha ke ntse ke na le tumelo e e nonofileng ya gore Baafrika ba na le batho ba ba pelotshweu go gaisa botlhe mo lefatsheng, le gore setso sa rona sa go thusa ba bangwe se nonofile thata. Ga se se re se bonang ka ntlha ya tlhotlheletso e e tswang kwa mafelong a mangwe. Ngwao e e humileng thata ya ditiro tsa bopelotlhomogi tsa batho ba tlholego ka jalo e tshwanetse go godisiwa go re kgontsha go tlhama ditheo tse di tshwarelelang le thulaganyo ya kgolo le tlhabololo e e tshwarelelang ya baagi ba rona.
  • "Ke ne ke batla go tlhomamisa gore ga go na mosadi ope kana mokgatlho wa basadi o o tla ganelwang go newa thuso ya madi ka mabaka a ke neng ka ganelwa ka one. Ka mabaka a go tlhoma The African Women's Development Fund".

Dikgolagano tsa kwa ntle

edit